CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
English Version | Zulu Version | Afrikaans Version
Ntšhafatso

Paka ya Kwadiso ya Letshwao la Kgwebo

Dingwaga di le 10 go tloga ka letlha la go dira kopo, leo le ntšhafatswang mo nakong ya leruri mo dipakeng tsa dingwaga di le 10 tse di latelanang, morago ga go duela madi a ntšhafatso mo dikgweding di le 6 tsa kwadiso (kgotsa dikgwedi di le 6 morago ga letlha la bofelo fa madi a ditefelo tse dingwe a sena go duelwa.

Tsamaiso 

  1. Kgakololo ya Ntšhafatso e tla romelelwa mogwebi ke Kantoroo, dikgwedi di le thataro pele ga letlha la bofelo. Mogwebi was kwadiso le ena o rwala maikarabelo a go netefatsa gore kwadiso ya gagwe ga e felelwe ke nako.

  2. Tlatsa foromo ya TM 5 ka sebedi. ka tuelo ya R260.00 ka kgotsa pele ga letlha la bofelo.

  3. Fa ntšhafatso e faelwa mo teng ga dikgwedi di le thataro morago ga letlha la bofelo, madi a mangwe a kotlo a R48.00 a tshwanetse go duelwa.

  4. Fa ntšhafatso e faelwa morago ga dikgwedi di le thataro morago ga letlha la bofelo, madi a mangwe a kotlo ke R145.00 + R260.00

ELA TLHOKO: Itsise kantoro fa dintlha dingwe jaaka leina le aterese tsa Mogwebi kgotsa aterese ya ditirelo/ aterese ya poso di fetogile!

Dipusetso

  • Fa o sa duela madi a gago a ntšhafatso mo teng ga nako e e beilweng, letswhaokgwebo la gago le tla felelwa ke nako mme le tla tloswa mo teng ga rejisitara.
  • Fa o ikaelela go busetsa tirong letshwaokgwebo la gago le le feletsweng ke nako ( le le tlositsweng), o tla tshwanelwa ke go latela tsamaiso le dikgato tsa go busetsa tirong jaaka di tlamelwa ke Molao
  1. Tlatsa foromo ya TM 2 ka netefaletso ya tuelo ya R190.00 ka lephata / kgotsa letshwaokgwebo la Patlo e e Kgethegileng go batlisisa fa go sena mongwe yo o dirileng kopo ya go kwadisa letshwaokgwebo le le tshwanang le lona mo nakong eo letshwao kgwebo la gago le neng le feletswe ke nako.

  2. Fa go sena letswao le le faetsweng, tlatsa foromo ya TM 5 mme o duele madi a go busetsa tirisong a R405.00

  3. Polelo ya Kgetse kgotsa Affidavit e tshwanetse go mametlelelwa lekopo ka tlhaloso ya gore goreng madi a ntšhafatso a sa duelwa ka nako.

  4. Morago ga gore kopo ya go busetsa tirong le lejwe, kitsiso ya phatlhalatso ya mo teng ga Jenale ya Pheithente e tla romelwa mogwebi. Tsweetswee ela tlhoko gore maikarabelo a go phatlhalatsa kitsiso eo ke a mogwebi wa letshwao kgwebo.

  5. Fa go sena kgaelo e e goroswang mo teng ga dikgwedi di le tharo, pusetsotirong e tla konotelwa.


Terms and Conditions
and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011