CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
Zulu Version | English Version | Afrikaans Version
Dikganelo

Molao 52 (1) o tlamelana gore mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego ya go ganetsa letshwao la kgwebo a kope Morejisitara go se rebole sethifikheithi mo nakong ya dikgwedi di le tharo. Kopo e ka ganediwa mo nakong ya dikgwedi di le tharo go tswa ka nako ya go phasalatsa mo teng ga Jenale ya Dipheithente.

Foromo e e tla diriswang go itsise morejisitara ka maikaelelo a go kganela ke Foromo TM 3 - tefelo ya R260.00 go letshwao lengwe le lengwe la kgwebo. Khopi ya kitsiso ya maikaelelo a go kganela e tshwanetse go gorosediwa karolo nngwe le nngwe e e nang le kgatlhego. Karolo e e nang le kgatlhego e ka nna motho yo o nang le kgatlhego e e lekaneng, e ka nna ya kgwebo kgotsa ya matlole.

Mokopi o tlhoka go nna le aterese ya ditirelo moo a tla amogelang kitsiso mmogo le ditokomane dingwe tse di maleba. Motsibogi o tshwanetse go itsise mokopi mmogo le Morejisitara ka go kwala, gore a o ikaelela go sireletsa boemo ba gagwe. Letlha le tshwanetse go beelwa ditheetso tsa kganelo fa pele ga Morejisitara.

Molao 19(2) (d): mokopi wa kwadisetso ya letshwao la kgwebo o newa kgwedi e le nngwe go neela kitsiso ya gore o ikaelela go sireletsa. Foromo TM 4 e dirisediwa maikaelelo a - tefelo ya R48.00 go letshwao lengwe le lengwe la kgwebo.

Tsweetswee netefatsa go itlwaetsa ditlamelo tsa molao 19 fa o tsena mo ditiragalong tsa kganetso

Dithata le maatla a Morejisitara

Molao o tlamela gore Morejisitara go ya ka ditiragalo tse di fa pele ga gagwe, o tla nna le dithata tseo maotlhodi a le mongwe a nang le tsona mo kgatong e le nngwe mo Kgotlatshekelongkgolo ya Karolo ya Porofense yaTransvaal.

TM2 Kitsiso ya tuelelo ya Ditheetso - tuelo ya R261.00

Ditsamaiso le Dikgato

Ditsamaiso fa pele ga Morejisitara di tshwana fela le kopo ya ditiragalo mo Kgotlatshekelongkgolo. Moo e leng gore sengwe se se fa pele ga morejisitara gankitla go swetswa ka sona mo afidafiting, o tshwanelwa ke go fetisetsa seo go Kgotlatshekelokgolo kgotsa go dira taelo ya go nna jalo jaaka go lolame e bile go ka diragala ka bonako.


Terms and Conditions
and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011