CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
Zulu Version | English Version | Afrikaans Version
Mokgwa wa go dira kopo
  1. Tlatsa   diforomo tsa TM1 di le tharo. Dikhophi di le pedi di tla dirisetswa kantoro mme ya boraro e tla busediwa mokopi e na le nomoro ya kopo, jaaka bosupi.

  2. Madi a ikwadiso a R590.00 a duelwang fa go dirwa kopo nngwe le nngwe.

    Tsweetswee ela tlhoko tlhoko gore o tshwanelwa ke go faela kopo ya letshwaokgwebo le le farologaneng ya ditirelo le dithoto tsa boditšhabatšhaba, tseo mo go tsona o ratang go dirisa letshwao la kgwebo. Sekao ke gore fa o dira le go rekisa dikoloi, o tshwanelwa ke go dira dikopo di le pedi tsa matshwao a kgwebo: e le nngwe mo setlhopheng sa 12: dipalangwa, didiriswa tsa go tsamaya mo tseleng, mo moweng, kgotsa mo metsing: le e le nngwe mo setlhopheng sa 35:

    dithekiso, holosele, ditirelo tsa ntshetso dikumo kwa ntle le go di tsenya mo teng.

  3. Go tlhaola setlhopha se se maleba sa dithoto kgotsa ditirelo e ya go: Nice Classification - 8th edition at http://www.wipo.int/classifications/fulltext/nice8/enmain.htm. Kgotsa tlaya o re bone mo kantorong , Badiri ba rona batla kgona go go thusa go tlhaola setlhopha/ditlhopha tse di nepagetseng tsa dithoto le kgotsa ditirelo tsa gago.

  4. Bontsha setlhopha mo go Field 51 ya foromo ya TM1.

  5. Bontsha dithoto tsotlhe le/ditirelo tse o ratang go dirisa letshwao la kgwebo mo go tsone mo go Field 57 ya foromo TM1.

    Tlhokomela go se beye dithoto kgotsa ditirelo tseo di welang mo ditlhopheng tse di farologaneng mo teng ga kopo e le nngwe ya letshwaokgwebo. Fa go ntse jalo, o tla eletswa go fetola dintlhakitsiso go akaretsa dithoto kgotsa ditirelo tseo di welang mo setlhopheng se le sengwe, mme tse dingwe tsotlhe o tla tshwanela ke go faela kopo e nngwe seša.

  6. Field 74 ya TM1 "aterese ya ditirelo" ke aterese eo mo go yona o tla amogelang tlhaeletsano go tswa kwa Kantorong. Tsweetswee netefatsa gore fa go ka nna le go fetoga ga aterese, o itsise Kantoro ka go kopa “phetolo ya aterese ya ditirelo” mo foromong TM2

  7. Fa o santse o sa itse se o ka se dirang, tsweetswe leba SEKAI TM1.

  8. Fa kopo ya gago e ka sekegela ditlhokego tsotlhe tsa semmuso, kopo ya gago e tla newa letlha la kopo mmogo le nomoro ya semmuso ya kopo. Ditlhaeletsano tsotlhe le Kantoro di tshwanetse go nna le nomoro eo ya kopo jaaka referense
  9. Ela Tlhoko: Go dira kopo ya letshwaokgwebo mo Aforika Borwa, molao wa Bosetšhaba o tlhoka gore o nne le aterese ya ditirelo. (se se raya aterese ya poso) mo teng ga Rephaboliki ya Aforika Borwa. Fa o sa nne mo Aforika Borwa o tla tlhoka go thapa moemedi go dira kopo ya letshwao la kgwebo mo boemong jwa gago. Go ya ka molao wa Bosetšhaba, “moemedi” yo o thapilweng e tla nna moemedi wa pheithente yo o kwadisitsweng jalo mo direkotong tsa CIPRO, kgotsa motho yo o amogetsweng jaaka mmueledi mo teng ga Rephaboliki ya Aforika Borwa.
  10. Tsweetswee tsenya gape le aterese ya imeile mmogo le nomoro ya mogala moo re ka kgonang go ikgolaganya le wena fa go ka tlhokagala gore seo se diragale.
  11. Mo mabakeng a dikopo tse di kwadilweng ka seatla, netefatsa go TLANYA tshedimosetso mo foromong ka mokwalo o o bonagalang.


Terms and Conditions
and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011