CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
Zulu Version | English Version | Afrikaans Version
Pele ga Kopo

NETEFATSA GORE:

Letshwao la kgwebo le ka kwadisiwa fa: 

  • Le diriswa go farologanya dithoto/ditirelo tsa mogwebi mongwe mo go tsa yo mongwe
  • Ga le diriswe ke ditshupo kgotsa dikai tseo di tlhagisang mofuta, boleng, bontsi, maikaelelo, lefelo la tshimologo kgotsa diponagalo dingwe tsa dithoto le ditirelo tsa gago, kgotsa mokgwa le nako e di dirilweng ka yona kgotsa go neelana ka ditirelo.
  • Ga le a tlwalega mo legorong la kgwebo ya gago
  • Ga le emele matshwao a a kgethegileng a a sireleditsweng jaaka folaga ya bosetšhaba kgotsa sefikantswe sa bosetšhaba jaaka go bontshaTable Mountain
  • Ga le nyatse kgotsa go nna kgatlhanong le molao kgotsa maitsholo a mantle.
  • Ga go ditshiamelo tsa pele tseo di leng kgatlhanong.

Dikao tsa Matshwao a Kgwebo a a ka se Kwadisiweng

Tse di latelang ke dikao tsa matshwao a kgwebo, ao a ka se kwadisweng ke kantoro ya rona, ka ntlha ya fa go le thata go a farologanya le a mangwe. Ka mafoko a mngwe, a ka se fitlhelele maikaelelo a ona a go farologanya dithoto kgotsa ditirelo tsa mogwebi mongwe go tsa yo mongwe mme ka ntlha ya seo gankitla di kwadisiwa.


Sekao 1: "Diura di le 24"

"Diura di le 24" gankitla e kwadiswa jaaka letshwao la kgwebo, ka ntlha ya gore polelo e e tshwanetse go diriswa ka kgololosego ke botlhe. Fa re ka kwadisa letshwao, mong wa kwadiso o tla tlhoka ditshiamelo tse di kgethegileng tsa go dirisa polelo e, le go thibela dikgwebo tsotlhe go e dirisa. Se gankitla se dumelelwa.


Sekao 2: "Kase"

Setshwantsho sa kase se ka se dire jaaka letshwaokgwebo la kase ka go nne gankitla se kgona go farologanya kase ya motho mongwe mo go ya yo mongwe. Ka go rialo gankitla e fitlhelela maikaelelo a letshwao la kgwebo.


Example 3: "Sebara"

Fa lefoko, "SEBARA" le ka kwadisetswa ditirelo tsa dikhomphuthara, ga go ope mo inasetering eo yo o tla khonang go dirisa lefoko leo mo ditirong tsa bona tsa letsatsi le letsasti. Se e tla nna sengwe se sa siamang go bagwebi mo indasetering eo le mo kgwebong. Ka jalo Molao o thibela kwadiso ya mafoko le dipolelo tseo di tlhokegang go diriswa mo diindasetering tse di riling. Le fa gontse jalo, lefoko SEBARA le ka kwadisetswa diaparo, ka ntlha ya gore mo indasetering eo, lefoko leo ga le a tlwaelega momkgwebong eo.


DITSIBOSO

  • Mafoko a a itshimololetsweng, masupi kgotsa ditshwantsho ka gale a a tlhaolega fa a sa tlwaelega mo kgwebong ya mothale oo:
    PRZAY eskzzee LobuLo

  • Tsenya lefokole le tlhaolang kgotsa sekai go lefoko le le sa tlhaoleng kgotsa sekai go lefoko kgotsa polelo e e sa tlhaoleng
    ZeZe Internet Cafe go ditirelo tsa resetšhuranta
    Piggy Juice go matute
    Ivanov's go Lefelo la go rekisa Pizza

Patlo e e Kgethegileng (E ka tlogelwa)

Pele o dira kopo ya kwadiso ya letshwao la kgwebo:

  1. O ka dira kopo mo foromong TM2 go dira patlo e e kgethegileng mo teng ga Rejisitara ya Matshwao a Kgwebo go tlhotlhomisa fa go sena ditshiamelo tsa pele tseo di leng teng ka mokgwa o o tshwanang kgotsa o o tlhakanyang tlhogo wa letshwaokgwebo le wa letshwao la kgwebo la gago oo o ka thibelang go kwadisiwa ga la gago.
  2. Foromo ya TM2 e tshwanetse go tladiwa jaaka go bontshitswe mo go SEKAI TM2.
  3. Tlhwatlhwa ya patlo e e kgethegileng ke R190 mme bosupi ba tuelo bo tshwanetse go goroga mo go rona pele ga letlha le o dirang kopo ka lona.
  4. Tuelo ya e direlwa setlhopha sengwe le sengwe se se farologaneng se o tlhokang go dira patlo e e kgethegileng mo go sona.
  5. Go dira patlo e e kgethegileng go ka tsaya malatsi kgwebo a le 15.


Terms and Conditions
and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011