Pheithente ke tshiamelo e e itlhaotseng e e neetsweng tlhamo, eo e leng kumo kgotsa tiragalo e e neelanang ka mokgwa o montšha wa go dira sengwe, kgotsa go neelana ka tharabololo ya bothata jwa setegeniki. Pheithente e neelana ka tshireletso go mong, e mo neela tshiamelo ya go kganela bangwe go dirisa tlhamo eo kgotsa go e romela kwa ntle ga naga. Tshireletso ya go nna jalo e ka tswelela sebaka sa dingwaga di le 20.
Go ya ka Molao wa Afrika Borwa wa Dipheithente, motho a ka faela kopo ya pheithente
ya nakwana ya gagwe ka nosi. Le fa go ntse jalo go ka nna molemo gore bakopi ba senke thuso ya boramolao ba dipheitente.
Fa kopo ya pheitente ya nakwana e faetswe mme morago ga faoo tlhamo e bo e phatlhalatswa, bokete le bophara ba tshireletso bo tla ikaega ka mafoko le diteng tsa diponagalo, dithanolo le tlhaloso ka botlalo ya tlhamo. Kantoro ya dipheithente e tlhokomela go tsweletsa khupamarama fela ga e rwale maikarabelo a se se diragalang kwa ntle ga kantoro.
Baemedi le babueledi ba dipheithente ba itse ditlhokego tsa semolao mme ka jalo ba ka kgona go kwala dikopo go netefatsa bophara bo bo lekaneng ba tshireletso ya pheithente.
Afrika Borwa ke nngwe ya dinaga di le 142 eo e leng tokololo ya Patent Co-operation Treaty (PCT).Lekgotla le, le letla faele ya motho ka nosi mo kopong ya boditšhabatšhaba mmogo le mo kopong ya bosetšhaba. Kopo ya boditšhabatšhaba e tla tlhaola dinaga tseo mokopi a tlhokang tshireletso mo go tsona. Go na le dituelo tsa tlaleletso tseo di ka duelwang mo mofuteng o wa ikwadiso.
Kantoro ya Dipheithente ga e rwale maikarabelo a tatlhegelo ya tshiamelo e e tlholwang ke go phasalatswa ga tlhamo fa tlhamo e ka nna ya bosetšhaba mme e kopisiwa mmogo le gore dikopo tsa nakwana di bo di sa kwalwa sentle.
Pheithente e fela morago ga dingwaga di le 20 go tloga ka letlha la kopo, fa fela e le gore e a ntšhafatswa ngwaga mongwe le mongwe pele go fela ngwaga wa boraro. Go botlhokwa go duela tuelo ya ntšhafatso ya ngwaga mongwe le mongwe go e tshola e tsweletse.
Section 25 of the Patent Act,
Karolo 25 ya Molao wa Diphethente, Molao wa bo 57 wa 1978 o itebaganya le dipotso tse mme o ntse jaana:
25. Ditlhamo tse di ka dirwang dipheihente
(1) Go ya ka ditlamelo tsa karolo e, pheithente e ka newa go, tlhamo ngwe le ngwe e ntšhwa e e akaretsang dikgato tsa go tlhama le e e ka dirisetswang mo kgwebong le indaseteri kgotsa mo temothuong.
(2) Sengwe le sengwe se se nang le:
(a) thibololo;
(b) teori ya saenthifiki;
(c) mokgwa wa dipalopalo;
(d) tiro ya bokwadi, ta teramatiso, ya mmino kgotsa tlhamo nngwe le nngwe ya botsweretshi le e e ka kgatlhegelwang;
(e) sekema, molao kgotsa mokgwa wa go diragatsa tiragalo ya tlhaloganyo, go tshameka motshameko kgotsa go dira kgwebo;
(f) lenaneo la khomphuthara ;kgotsa
(g) tlhagiso ya tshedimosetso gankitla e nna tlhamo go ya ka maikaelelo a Molao o.
Tlhagiso ya tshedimosetso gankitla e nna tlhamo go ya ka maikaelelo a Molao o (Patents Acts).
E ke jenale e e phasalatswang ke Bagatisi ba Puso kgwedi le kgwedi mme e na le tshedimosetso ka ga dipheithente, matshwao a kgwebo, dithulaganyokgabo (designs) le ditetlokhophi mo difiliming tsa dibaesekopo tse di mo teng ga Afrika Borwa. Jenale e ya Pheithente e ka bonwa go Bagatisi ba Puso kwa Tshwane.
Dikgato tsa Ikwadiso
Tumalano ya Tirisanommogo mabapi le Dipheithente
