CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
English Version | Zulu Version | Afrikaans Version
Dikgato tsa Ikwadiso

Dikgato tse di latelang di tshwanetse go salwa morago, go sa kgathalesege gore tiragalo ya ikwadiso e tla diragala ka thuso ya ramolao wa ditirelo kgotsa kemedi, kgotsa gore a e tla simololwa ke mokopi.

Kgato 1: Go dira patlo mo Dipheithenteng tse di leng teng

  • T• Patlo e tshwanetse go dirwa ke mokopi/ motlhami kgotsa mmueledi wa/ kemedi ya pheithente
    • o Se se dirwa go netefatsa gore ga go dipheithente tse di leng teng tseo di gatakwang le gore pheithente ke e ntšha (S25 ya Molao wa Dipheithente)
    • o Le fa patlo e ya tshimologo e sa gapelediwe, e botlhokwa.
    • o Patlo e ka dirwa mo Kantorong ya Morejisitara wa Dipheithente kwa Tshwane.

Kgato 2: Kopo ya go Kwadisa

  • • Kopo ya pheithente e ka dirwa ka mokgwa o le mongwe wa e le meraro:
    • Fo Faela kopo ya nakwana – Se se ka dirwa ke mokopi ka thuso kgotsa kwa ntle ga thuso ya mmueledi.
    • o Faela kopo e e tletseng – Se se tshwanetse go dirwa ka thuso ya ramolao wa dipheithente.
    • o Faela kopo ya PCT Tumalano ya Tirisanommogo mabapi le Dipheithente (Patent Co-operation Treaty) fa go tlhokega

  • • Diforomo tse di latelang di ka bonwa ntle le tefelo go tswa go CIPRO. Di tshwanetse go tladiwa ka (enke e ntsho kgotsa ka go tlanya) mme tsa goroswa go CIPRO::
    • P1:  ""Kopo ye Pheithente ke Netefaletso ya Kamogelo" mme di faelwa di le pedi
    • P2:  : "Rejisitara ya Dipheithente", di faelwa di le pedi
    • P3:  "Kgoeletso ya Maatla a Mmueledi", go faelwa e le ngwe (1) fela
    • P6:  "Diponagalo tsa Nakwana", go faelwa e le 1 fela.
    • o Ditokomane tsotlhe di tshwanetse go tlanywa

  • • Fa Kopo ya ya Nakwana ya Pheithente ie dirilwe, thuso ya ramolao wa dipheithente ga e gapeletswe. Go botlhokwa gore tlhaloso ya tlhamo e dirwe ka botlalo mme e tlhaloganyege mme fa go tlhokega go mametlelelwe le ditshwantsho di le mo ditsebeng tsa A4
    • o Diforomo tsa P1, P2, P6 di tla tladiwa le P3 fa go akarediwa Maatla a Mmueledi.
    • o Tefelo ya kopo   ya nakwana ke R60

  • • Mo mabakeng a Pheithente ya Nakwana,, kantoro ya Morejisitara wa Dipheithente e tla bula faele mme ya neelana ka nomoro ya kopo ya nakwana ya pheithente mabapi le fa go ka nna le dipotso. Mokopi o itsisiwe ka go busa ngwe ya dikhophi tsa P1 e e faetsweng.
    • o Morago ga foo, kopo e e tladitsweng ya pheithente e tshwanetse go goroswa mo nakong ya dikgwedi di le 12 tsa letlha la go faela kopo ya nakwana ya pheithente (ka go dirisa mmueledi wa diphethente kgotsa kemedi)
    • o Mo nakong e (ya dikgwedi di le 12) motlhami o kgona go tswelela ka tiro ya gagwe ya go tlhama.
    • o Mo nakong e, motlhami/ modiri a ka nna a “lekola mmaraka” go tlhatlhoba matshwanedi a tlhamo ya gagwe pele a ka tsena mo ditshenyegelong tsa go dira kopo ya pheithente.

  • • Fa go goroswa Kopo e e Tletseng ya Pheithente i, thuso ya mmueledi wa dipheithente e a gapeletswa
    • o Diforomo P1, P2, P3 (Maatla a Mmueledi) di tshwanetse go tladiwa.
    • o Ditefelo  tsa kopo e e tletseng ke R266-00.
    • o Ditlhaloso ka botlalo ,ditleleimi leditshwantsho( fa go tlhokagala) mo ditsebeng tsa A4, jalo le jalo, di tshwanetse go akarediwa
    • o Go tshwanetse gape ga sekegelwa go dira dikopo tsa dipheithente / tshireletso mo dinageng tse dingwe.
    • Dikopo tsa PCT mo Pakeng ya Bosetšhaba di tsewa jaaka dikopo tse di tletseng,fela mo boemong jwa foromo P1, Foromo P25 e tshwanetse go faelwa

Kgato 3: Go kwadisa Pheithente

Morago ga go faela kopo e e tletseng ya pheithente, go simolola tlhatlhobo ya semmuso. Tiragalo e ka gale e tsaya dikgwedi di le 6.

  • • Fa kopo e sekegela ditlhokego tsotlhe tsa semmuso, kopo e a amogelwa. Mokopi o kopiwa jaanong go phasalatsa pheithente ya gagwe mo teng ga Jenale ya Dipheithente, e e gatiswang kgwedi ngwe le ngwe ke Bagatisi ba Puso.
    • • Letlha la phasalatso ya papatso le tsewa jaaka letlha la kwadiso.
    • • Bokana ka dikgwedi le 2 morago ga phasalatso ya Jenale ya Pheithente, go rebolwa sethifikheiti se se lebiswang go moamogela pheithente.


Terms and Conditions
and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011