Mo nneteng “Thulaganyokgabo e ka ga dipopego se di itumedisang tebo ya matlho. Dithulaganyokgabo tse dingwe di tlholwa go ya ka tiro ya tsona fa tse dingwe di tlholwa go kgatlha. Thulaganyokgabo e ka ga popego, tebego, le patene, thulaganyo ya kumo kgotsa ya athikele, sekao thulaganyokgabo ya palamonwana ka gale e tshwanelwa ke go nna le diponagalo tse di kgatlhisang.
Go mefuta e le mebedi ya dithulaganyokgabo e e ka kwadisiwang:
-
Thulaganyokgabo e e kgatlhisang
-
E tshwanetse go nna e ntšha le gona ya motheo
-
Bontle ba popego, thulaganyo le makgethe
-
E tshwanetse go kgona go ka nna kumo e entshiwang ka tiragalo ya indaseteri
-
Thulaganyo e e dirang
- E tshwanetse go nna e ntšha e bile sa tlwaelega
- Popego le thulaganyo e tlholwa ke tiro ya yona
-
E tshwanetse go kgona go ka nna kumo e e ntshiwang ka tiragalo ya indaseteri
-
• Dithulaganyokgabo tse di kgatlhisang di sirelediwa sebaka sa dingwaga di le 15, mme tseo di dirang sebaka sa dingwaga di le 10.
-
• Dithulaganyokgabo tse di kwadisistsweng di tshwanelwa ke go ntšhafadiwa ngwaga mongwe le mongwe pele ngwaga wa boraro o fela go tloga ka letlha la kopo.
Dikgato tsa Ikwadiso
