Cipro Home Page
 (17)Start Here...
 
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer

Forgot password?

REGISTER AS CUSTOMER
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators
Search Site Contents
Search the contents of this website for keyword.
Gateway To Formal Economic Participation

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
Zulu Version | English Version | Afrikaans Version
Dikgato tsa Ikwadiso

Ikwadiso ya dithulaganyokgabo e laolwa ke Molao wa Dithulaganyokgabo wa bo 95 wa 1993. Go kwadisa thulaganyokgabo go netefatsa tshiamelo e e kgethegileng ya go dirisa thulaganyokgabo. Fa go na le mongwe yo o lekang go e kopolola, to e rekisa le go e dirisa kwa ntle ga tetla, se se ka tlisa dikgato tsa semolao.

Le fa go sa gapeletsege go dira patlo go lekola bomotheo ba thulaganyokgabo le gore a thulaganyo ya go nna jalo kgotsa ee tshwanang le yona ga e a kwadiswa – go botlhokwa go dira se pele ga go faelwa kwadiso. Patlo e ka dirwa kwa Kantorong ya go Kwadisa Dithulaganyokgabo kwa Tshwane. O ka e dira ka bowena kgotsa kemedi jaaka ramolao wa dipheithente.

Ditokomane tse di tlhokagalang go dira kwadiso di ka fitlhelega, ntle le tuelo go tswa Kantorong ya Dithulaganyokgabo kwa Tshwane Private Bag x 400, Pretoria, 0001. Ditokomane tseo ke:

  • Foromo D1 Kopo le Kamogelo
  • Foromo D2 Ikwadiso ya Dithulaganyokgwebo
  • Foromo D3 Maatla a Mmueledi
  • Foromo D6 Polelo e e Tlhaolang le Polelo e e Tlhalosang
  • Foromo D8 Dintlha tsa phasalatso

Dikgato tsa Ikwadiso di ntse jaana:

Foromo D1: Kopo le Kamogelo
  • • Di goroswa ka sebedi
  • • Tsenya nomoro ya setlhopha (go ya ka patlo)
 
Foromo D2: Ikwadiso ya Dithulaganyokgabo
  • Tlatsa mme o faele tse pedi
 
Foromo D3: Maatla a Mmueledi
  • Faela khophi e le ngwe (1) fela
 
Foromo D6: Polelo e e tlhalosang (e a gapeletswa) mmogo le Polelo e e Tlhalosang (e ka tlogelwa)
  • Faela tse pedi
  • Polelo e e tlhalosang e tshwanetse go tlhalosa ditebego mo thulaganyongkgabo tseo di tlhokang go sireletswa (sekao dipaterone, dithulaganyo, fa go tlhokega).
 
Form D8: Dintlha tsa Phasalatso
  • Faela tse pedi
  • “Polelwana e e tlhalosang tebego” e tla nna temana e le nngwe e e sa feteng mafoko a le lekgolo (100). Tota se ke motswako wa polelo e e tlhalosang le e e etlhaolang go ya (D6).

Mmogo le dilo tse di tlhaotsweng fa godimo, “Ditshwantsho tse di thadilweng” mo diforomong tsa dithalwa, kgotsa dinepe di tshwanetse go akarediwa. Tsona e ka nna:

  • Ditshwantsho di le 7, tse di tshwanang, e ka nna ditshwantsho tse di thadilweng kgotsa dinepe. Setshwantsho sengwe le sengwe se tshwanetse go nna mo pampiring ya A4, kgotsa se mameretswe mo pampiring ya A4.
  • Tsenya ditebego tse di farologaneng mme o neelane ka dikhophi di le pedi tse di kwadilweng “ phasalatsa”
  • Ditshwantsho tsotlhe tse di thadilweng /dinepe kwa ntle ga tseo di tshwanetseng go phasalatswa di tshwanetse go saenwa.

Ditiragalo tsa Semmuso

  • Fa sephuthelwane sa ditokomane se sena go amogelwa le go goroswa, mokopi o romelwa:
    • Khophi e le nngwe ya Foromo ya D1 e e tlhalosang kamogelo le nomoro ya thulaganyokgabo ya semmuso.

  • Morago ga nako ya dikgwedi di le 6, moo ditiragalo tsa semmuso tsa tlhatlhobo di diragalang teng, mme ka gale mo kgweding ya bo 7( fa e le gore mokopi o ne a sekegela ditlhokego tsotlhe tsa semmuso):
    • Kitsiso ya kamogelo ya kwadiso e romelwa go Bagatisi ba Puso mme thulaganyokgabo e phasaladiwa mo teng ga Jenale ya Pheithente.
    • Go rebolwa sethifikeithi sa kwadiso.


Terms and Conditions
and Privacy Statement Copyright © CIPRO 2008