CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
English Version | Afrikaans Version | Zulu Version
Diphetolo go Tshedimosetso ya Setlamo

Ke tlhokego ya semolao gore diphetogo tsa tshedimosetso e e amanang le kwadiso ya kgwebo, di tlhoka go goroswa ka foromo nngwe. Le fa go ntse jalo, go na le tshedimosetso e e lekanyeditsweng e e ka fetolwang ntle le go gorosa foromo. Mmogo le “tshedimosetso e e lekanyeditsweng”, re bone go le botlhokwa go dira gore “tshedimosetso nngwe ya mahala” e fitlhelege. Tshedimosetso e ya “mahala”, ga e amanngwe ka gope le molao o rileng mme maikaelelo a yona ke gore wena o neelane ka tshedimosetso e nngwe ya tlaleletso ka ga kgwebo ya gago ka maikaelelo a gore batho ba kgone go itse ka ga gago mo inthaneteng.

  • Kwadisa kgwebo ya gago
  • Tshedimosetso ya kwadiso
  • Tsena mo khomphuthareng
  • Ditlhokego tse di Kgethegileng tsa Ditharabololo
  • Karologantsho ya dišere – CM15 Karolo 93(3) Ya Molao wa Dikhamphani 1973
  • Theko ya Dišere Tse di ka Rekegang – CM19 Karolo 98 Ya Molao wa Dikhamphani     1973
  • Go Bona Dišere ke Khamphani E E Di Rebotseng / Dituelo go Batsholadišere – CM14A     Dikarolo 85, 87 & 90 Tsa Molao wa Dikhamphani 1973
  • Tsamaiso
  • Tshololo/phediso ya khamphani- Go baya khamphani mo maemong a tshololo ka boithaopo

    Tshedimosetso ya Kwadiso

    Go kgona go tsenya kgotsa go fetola tshedimosetso e e amanang le kgwebo ya gago, o tshwanetse go ikwadisa pele. Kwadiso e ke mokgwa fela o ka ona re ka netefatsang gore ke wena fela o ka dirang diphetogo tsa tshedimosetso ya kgwebo ya gago. Ka nako ya kwadiso o tla kopiwa go neelana ka lefoko sa sephiri (password) le dintlha tsa ikgolaganyo. Lefoko le la sephiri mmogo le nomoro ya gago ya kgwebo, le tla diriswa gape go fitlhelela lefelo leo le tla go letlelelang go dira diphetogo. Lefoko la sephiri le tla dirisetswa go netefatsa tshedimosetso pele kwadiso ya gago e letlelelwa.

    Morago ga ikwadiso e e atlegileng, o tla kgona go oketsa kgotsa go fetola tshedimosetso e e latelang: -

    Lefoko la sephiri (password) Lefoko la sephiri le dirisetswa go tsena mo lefelong la diphetogo. Tshedimosetso e e gapeletswang.
    Khoutu ya Lefelo ya Mogala Khoutu ya lefelo e e diriswang ke setšhaba ka kakaretso go ikgolaganya le setlamo sa gago.
    Nomoro ya Mogala Nomoro ya Mogala e e diriswang ke setšhaba ka kakaretso go ikgolaganya le setlamo sa gago.
    Khoutu ya Lefelo ya Fekese Khoutu ya lefelo e e diriswang ke setšhaba ka kakaretso go romela difekese kwa setlamong sa gago.
    Nomoro ya Fekese Nomoro ya fekese e e diriswang ke setšhaba ka kakaretso go romela difekese kwa setlamong sa gago.
    Aterese ya Imeile Aterese ya ikgolaganyo ya imeile e e diriswang ke badiri ba CIPRO go go neela tshedimosetso mabapi le ditirelo tseo di neelwang mo Webosaeteng e. Aterese e ya imeile e neelwa gape le setšhaba ka kakaretso. Tshedimosetso e e gapeletswang
    Aterese ya Docex Fa o na le Aterese ya docex mme o rata gore e itsiwe ke setšhaba ka kakaretso, o ka nna wa e neela fa.
    Aterese ya webosaete (URL - Unique Resource Locator) Fa setlamo sa gago se na le Webosaete mo Inthaneteng mme o rata go dira gore URL e fitlhelege go setšhaba ka kakaretso, o ka nna wa tsenya URL fa. URL e bontshwa jaaka “hyperlink” fa go lejwa tshedimosetso ya kgwebo.
    Tshedimosetso ya Tlaleletso Any information that you may think is relevant to promoting your organisation or any other general information that you would like to make available through this web site. Maximum of 1500 characters.
    Name of Responsible Person Tshedimosetso nngwe le nngwe e o akanyang e le botlhokwa go etleetsa setlamo sa gago kgotsa tshedimosetso nngwe le nngwe ya kakaretso e o ratang go e tlhagisa ka Webosaete e. E ka nna bontsi ba ditlhaka di le 1500. Tshedimosetso e e gapeletswang
    Leina la Motho yo o rwalang Maikarabelo Leina la motho mo teng ga setlamo sa gago, yo ka gale a rwalang maikarabelo a go ntšhafatsa tshedimosetso e . Tshedimosetso e ga e neelwe setšhaba ka kakaretso fela e diriswa ke badiri ba CIPRO go netefatsa gore gore dikwadiso ke tsa fa gae. Tshedimosetso e e gapeletswang
    Nomoro ya Mogala ya Motho yo o rwalang Maikarabelo Tshedimosetso e ga e neelwe setšhaba ka kakaretso fela e diriswa ke badiri ba CIPRO go netefatsa gore dikwadiso ke tsa fa gae. Tshedimosetso e e gapeletswang

    Nomoro ya Mogala ya Motho yo o rwalang Maikarabelo

    Use your enterprise number (without the slashes) and the password that you supplied during registration to gain access to the interface that will allow you to effect changes to your information.

    Please note: - Passwords ARE case sensitive. Thus, if your password is DingBat, supplying the password Dingbat, dingbat or dingBat will cause a login error.


    Nomoro ya Kgwebo Lefoko la Sephiri

    A o lebetse lefoko la gago la sephiri?
    Tobetsa fa.


    Ditlhokego tse di Kgethegileng tsa Ditharabololo

    Tse di amana le diphetogo dingwe le dingwe tse di mabapi le leina le le leng teng, kgwebokgolo le maikaelelo mmogo le diphetogo go memorantamo le diathikele tsa kopano ya khamphani.

    Diphetogo di dirwa go ya ka karolo 199(1) le 200(1) Molao 61 wa 1973 jaaka o fetotswe.

    1.  Phetolo ya Leina, Leina le le Fetoletsweng kgotsa le le Khutshwafaditsweng la Khmphani

    Diforomo tse di Tlhokegang Ditefelo Tlhaloso ya Diforomo
    CM5 E tshwanetse go letlelelwa Kopo ya leina le le beeleditsweng
    CM9 (kopo e le 1 le disethifikeithi di le 2) R30 Kopo ya phetolo ya leina/td>
    CM7 (fa go le maleba) R30 Kwadiso ya leina le le khutshwafaditsweng kgotsa le le fetotsweng
    CM9A (kopo e le 1 le disethifikeithi di le 2) R30 Kopo ya leina le le khutshwafaditsweng kgotsa le le fetotsweng
    CM9B (fa go le maleba) R5 Kwadisololo ya leina le le khutshwafaditsweng kgotsa le le fetotsweng.
    CM26 R80 Diteng tsa diphetogo dingwe le dingwe tsa khamphani.
    Kitsiso N/A Fa go ne go filwe kitsiso ya malatsi a le 21 a netefatso.
    Kitsiso mmogo le CM25 N/A Fa go ne go filwe kitsiso ya malatsi a le kwa tlase ga a le 21 a netefatso.
    CM25A N/A Fa go ne go sa fiwa kitsiso

    2.  Phetolo ya Kgwebokgolo le Maikaelelomagolo

    Diforomo tse di tlhokegang Ditefelo Tlhaloso ya diforomo
    CM26 R80 Diteng tsa diphetogo tsa Khamphani
    Kitsiso   Fa go ne go filwe kitsiso ya malatsi a le 21 a netefatso.
    Kitsiso mmogo le CM25   Fa go ne go filwe kitsiso ya malatsi a le kwa tlase ga a le 21 a netefatso.
    CM25A   Fa go ne go sa fiwa kitsiso

    3.  Diphetolo go Dimemorantamo le Diathikele

    Tlhaloso ya phetolo Doforomo tse di tlhokegang Ditefelo Tlhaloso ya diforomo
    Phumola mabakakemo CM18 R20 Taelo ya kgotla ya ikwadiso
    Phetolelo go Boloko e e Abelanwang CM26    
    CM9 R30  
    Kitsiso   Fa go ne go filwe kitsiso ya malatsi a le 21 a netefatso.
    Kitsiso mmogo le CM25   Fa go ne go filwe kitsiso ya malatsi a le kwa tlase ga a le 21 a netefatso.
    CM25A   Fa go ne go sa fiwa kitsiso
    E letleletswe CM5    
    Memorantamo o montšha wa diathikele le kopano.    
    Phetolelo go Boloko e e Abelanwang CM26 R80  
    CM9 R30  
    E letleletswe CM5    
    mmogo le cm25/ cm25 Memorantamo o montšha wa diathikele le kopano. Lekwalo le le netefatsang gore ga go dišere tse dingwe tse di rebotsweng kgotsa go tatlhegelo ya ditshiamelo    
    Phetolelo gotswa mo mofuteng o mongwe wa khamphani go ya go o mongwe CM26 R80 Diteng tsa Tharabololo
    CM45 R40 Sethifikeithi sa Tsenyeletso mabapi le phetolelo go tswa go mofuta wa khamphani go ya go mofuta o mongwe wa khamphani
    Kitsiso   Fa go ne go filwe kitsiso ya malatsi a le kwa tlase ga a le 21 a netefatso.
    Fa go ne go sa fiwa kitsiso N/A Diathikele tse dintša
    CM25A N/A Kitsiso e e phatlhaladitsweng mo teng ga government gazette, dibeke di le tharo pele ga letlha la kopano, kwa ntle ga phetolo go tswa go khamphani ya poraefete go ya go ya setšhaba ka letlotlo le le abelanwang fela.
    Diathikele tse dintša    
    Kitsiso e e phatlhaladitsweng mo teng ga government gazette, dibeke di le tharo pele ga letlha la kopano, kwa ntle ga phetolo go tswa go khamphani ya poraefete go ya go ya setšhaba ka letlotlo le le abelanwang fela.    
    Koketsego ya Letlotlo CM26 R80  
    Kitsiso    
    Kitsiso plus CM25    
    CM25    
    CM11 R5 go R1000 nngwe le nngwe ka koketso Tuelo ya ditefelo go koketsego ya letlotlo
    Go reka dišere tse di neng di rebotswe Diathikele tsa khamphani di tshwanetse go letla khamphani go dira jalo.    
    Bolaodi ba kakaretso ka tharabololo e e kgethegileng    
    CM14A    
    Dipolelo ka Bakaedi    
    Phokotso ya boleng jwa dišere le letlotlo le le beilweng. CM26 (I fa di letleletswe ke diathikele) R80  
    CM14A    
    Setatamente/Polelo    
    Theko ya dišere CM19   Kitsiso ya theko ya dišere tse di ka rekegang
    Tharabololo e e Kgethegileng go ya ka karolo 98(2) ya Molao wa Dikhamphani    
    Go rebola dišere CM15   Pusetso ya karologantsho ya dišere
    Tharabololo e e Kgethegileng go ya ka karolo 82 ya Molao wa Dikhamphani    

    Karologantsho ya Dišere - CM15 Karolo 93(3) Ya Molao wa Dikhamphani 1973

    Foromo CM15 ke foromo ya pusetso e e goroswang ke khamphani go itsise Morejisitara gore e arologantshitse dišere, ka go neela ka dintlha ka botlalo tsa letlotlo la dišere le lennye le leo le neng le rebotswe mo nakong e e fetileng kgotsa letlotlo le le tlhalositsweng le palo mmogo le tlhaloso ya dišere tseo di arologantshitsweng. Foromo e tshwanetse go goroswa mo teng ga kgwedi e le nngwe morago ga gore dišere di arologantshwe fa go sa nna jalo kotlo ya R150 e tshwanetse go duelwa.

    Karologantsho e e sa tlholeng e dira – CM16 Karolo 93(4) Ya Molao wa Dikhampphani 1973

    Foromo CM16 ke foromo e e buswang e e goroswang ke khamphani go itsise Morejisitara gore karologantsho ya dišere ga e sa tlhole e le teng. Mabaka a gore goreng go ntse jalo a tshwanetse go tlhaloswa mo foromong, go se duelewe ga dišere kgotsa karogantsho e ntsi ya dišere tse di sa duelelwang. Foromo e tshwanetse go goroswa mo teng ga kgwedi e le nngwe morago ga letlha leo ka lona karologantsho e neng ya emisa go dira, fela ga go na kotlhao ya kgoroso e e thari.

    Theko ya dišere tse di ka rekegang – CM19 Karolo 98 Ya Molao wa Dikhamphani 1973

    Foromo CM19 e goroswa ke khamphani go itsise Morejisitara gore dišere tsa yona tse di rekegang di rekilwe. Diathikele tsa kopano ya khamphani di tshwanetse go nna le ditshiamelo tsa di mametleletsweng mo dišereng mme di tlhalose letlha la theko le mokgwa wa theko. Foromo e tshwanetse go goroswa mo teng ga kgwedi e le nngwe morago ga letlha leo ka lona karologantsho e neng ya emisa go dira, fela ga go na kotlhao ya kgoroso e e thari.

    Go reka Dišere tse Di Neng Di Rebotswe Ke Yona / Dituelo go Batsholadišere P – CM14A Dikarolo 85, 87 & 90 Tsa Molao wa Dikhamphani 1973

    A Foromo CM14A e goroswa ke khamphani go itsise Morejisitara ka theko ya kgotsa dituelo go batsholadišere e e dirilweng ke khamphani. Diathikele tsa kopano di tshwanetse go neelana ka maatla a go reka dišere tseo gape le go duela batsholadišere. Go tlhokega Tharabololo e e Kgethegileng go bona tetla ya kakaretso kgotsa tetla e e kgethegileng.Polelo ya bakaedi mabapi le go lekana ga letlotlo morago ga theko gape e tshwanetse go mametlelelwa go CM14A le kgoroso go ya ka karolo 85 ya Molao wa Dikhamphani. Foromo e tshwanetse go goroswa mo teng ga kgwedi e le nngwe morago ga letlha leo ka lona karologantsho e neng ya emisa go dira, fela ga go na kotlhao ya kgoroso e e thari.

    Mokgwatsamaiso wa go Netefatsa Tshedimosetso mo Diforomong Tse Di Fa Godimo

    CM15

    1. Netefatsa leina le nomoroikwadiso ya khamphani.
    2. Item 1 – Lekola letlha la karologantsho, CM15 e tshwanetse go goroswa mo teng ga kgwedi e le 1 go tswa ka letlha la karologantsho.
    3. Item 2 – Netefatsa letlotlo le le dumeletsweng.
    4. Item 3 – Dišere tse di tlhalositsweng mo teng ga memorantamaShares – ka tsenyeletso.
    5. Item 4 – Netefatsa dišere tse di rebotsweng mo nakong e e fetileng go tswa ka CM15 ya bofelo e e rekotilweng.
    6. Item 5 – E ke karologantsho e ntšha.
    7. Item 6a, b & c – Dišere tse di arologanyeditsweng dilo dingwe tse eseng madi.
    8. Item 7 – Palogotlhe ya letlotlo le le rebotsweng ga jaana.
    9. CM15 e tshwanetse go saenwa ke mokaedi/ molaodi kgotsa mokwaledi wa khamphani.
    CM16
    1. Netefatsa leina le nomoroikwadiso ya khamphani.
    2. Item 1 - Netefatsa letlotlo le le dumeletsweng.
    3. Item 2 - Netefatsa dišere tse di rebotsweng mo nakong e e fetileng go tswa ka CM15 ya bofelo e e rekotilweng.
    4. Item 3 – Dintlha ka botlalo tsa karologantsho tseo di sa tlholeng di dira.
    5. Item 4 – Mabaka a a dirileng gore karologantsho e se key ya tlhole e dira.
    6. Item 5 – Palogotlhe ya letlotlo le le rebotsweng ga jaana.
    7. CM16 e tshwanetse go saenwa ke mokaedi/ molaodi kgotsa mokwaledi wa khamphani.
    CM19
    1. Netefatsa leina le nomoroikwadiso ya khamphani.
    2. Item A – Letlotlo le le dumeletsweng le le le rebotsweng mo nakong e e fetileng.
    3. Item Bi – Dišere tse di rekilweng ka dipoelo.
    4. Item Bii – Dišere tse di rebotsweng go tswa go madi a a bonweng fa go rebolwa dišere tse dintšha tharabololo e e kgethegileng e e tlhokegang fa go rebolwa dišere tse di tlwaelegileng mo boemong jwa dišere tse di rekilweng gape.
    5. Item C – Dišere tse dintšha di rebolwa mo boemong jwa dišere tse di rekilweng gape.
    6. Item D – Letlotlo morago ga theko.
    7. CM 19 e tshwanetse go saenwa ke mokaedi/ molaodi kgotsa mokwaledi wa khamphani.
    CM14A
    1. Netefatsa leina le nomoroikwadiso ya khamphani.
    2. Item 1 – Letlotlo le le dumeletsweng.
    3. Item 2 – Letlotlo le le rebotsweng mo nakong e e fetileng.
    4. Item 3 – Dituelo mabapi le akhaonto ya dikarotuelo tsa dišere.
    5. Item 4 – Dintlha ka botlalo tsa go bona dišere.
    6. Item 5 – Letlotlo le le rebotsweng ga jaana.
    7. CM14A e tshwanetse go saenwa ke mokaedi/ molaodi kgotsa mokwaledi wa khamphani

    Go tshololwa ga khamphani – Mokgwa wa go dira gore khamphani e tshololw ka boithaopo

    Mefuta ya go tshololwa ya khamphani:

    1. Khamphani e ka tshololwa –
      1. Ke kgotlago ya ka karolo 344; kgotsa
      2. Ka boithaopo go ya ka karolo 349
    2. Tshololo ya boithaopo ya khamphani e ka nna –
      1. Tshololo ya mokolotiwa go ya ka karolo 349 & 351; kgotsa
      2. tshololo ya boithaopo ka leloko go ya karolo 349 & 350.
    Tse di latelang ke ditokomane tse di tshwaneteng go tlatswa

    Ditokomane Maikaelelo Ditefelo
    CM26 (ka sebedi) Tharabololo e kgethegileng Lekgetho la R80.00, khophi ya ntlha e e tempilweng
    CM25A Tatlhegelo ya tshiamelo -
    CM25 Tatlhegelo ya tshiamelo ya kitsiso -
    KHOPHI YA KITSISO YA KOPANO YA BATSHOLADIšERE Go itsise batsholadišere ka kopano e e tla tshwarwang -
    LEKWALO LA JM12 (le le tlhokegang fa maloko a ithaopa gore khamphani e tshololwe Bopaki ba tshireletso e e neetsweng Molaodikakaretso kgotsa Moladikakaretso o phatlhaladitse morago ga kamogelo ya tshireletso ya go nna jalo. -

    Go thapa motsholola khamphani

    Tse di latelang ke ditokomane tse di tshwanetseng go goroswa

    Ditokomane Maikaelelo Ditefelo
    CM40 Go thapiwa jaaka motsholola khamphani / molaodi wa nakwana wa semolao/ molaodi wa semolao -

    Go baya khamphani ka fa tlase ga Tshololo ya Nakwana / Ya Bofelo/ Molaodi wa Semoloao wa Nakwana

    Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go goroswa

    Ditokomane Maikaelelo Ditefelo
    Taelo ya kgotla (ya pele, ee saennweng, e na le letlha, e tempilwe) Motshololakhamphani wa nakwana / motshololakhamphani wa bofelo / taolo ya semolao ya nakwanat / taolo ya semolao -

    Go Beela Khamphani Kwa Thoko Eseng Go Tshololwa

    Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go goroswa

    Ditokomane Maikaelelo Ditefelo
    CM18 Taelo ya Kgotla ya go kwadisa Lekgetho la R20.00 , khophi ya ntlha e e tempilweng
    Taelo ya kgotla ya pele, e e saenilweng e bile e tempilwe Go beela khamphani kwa thoko -

    Go Baya Khamphani Mo Maemong A Go Phatlhalatswa

    Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go goroswa

    Ditokomane Maikaelelo Ditefelo
    Sethifikeithi sa 419 (1) (se se rebotsweng ke Molaodi Mogolo wa Kgotlatshekelokgolo sa pele, se se nang le letlha, se saennwe, se tempilwe. Sethifikeithi sa go phatlhalatswa -


  • Terms and Conditions
    and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011