Tetlokhophi ke tshiamelo e e kgethegileng ee neetsweng ke molao sebaka sa dingwaga go mokwadi, morulaganyi, jalo le jalo go tiro ya gagwe ya tshimologo.
DITIRO TSE DI KA BONANG TSHIRELETSO
Ditiro tse di latelang di ka bona tetlokhophi, fa ele tsa motheo
Ditiro tse di latelang di ka bona tetlokhophi, fa ele tsa motheo.
Dikwalwa, sekao dibuka le ditlhamo mmogo le dipadi.
Ditiro tsa mmino, sekao dipina.
Ditiro tsa botaki, sekao tse di takilweng le tse di tshwantshitsweng.
Difilimi tsa dibaesekopo.
Direkoto tsa medumo.
Tsa bobegakgang, sekao difilimi kgotsa mmino.
Mananeo a a nang le matshwao, sekao, matshwao a lenaneo.
Diphasalatso, sekao tse di gatisitsweng la ntlha ka tiragalo efe.
Mananeo a dikhomphuthara
Gore tiro e tshwanelwe ke tshireletso ya tetlokhophi, e tshwanelwa ke go kwalwa fa fatshe, mme ya rekotiwa le go dirwa matheriale.
Kgatako ya ditshiamelo e kaya eng?
Go dira difotokhophi go dirisetswa poraefete ga se kgatako ya tetlokhophi.
Go kopolola puo ya bosetšhaba kgotsa thuto ga se kgatako ya ditshiamelo.
Kgatako ya ditshiamelo ke fa e le gore motswedi o a tlhalosiwa, fa mongwe a neela sekao go tswa go buka ya mokwadi mongwe.
Ka kaaretso, go ya ka matheriale o o kwadilweng, dikaelo tse di latelang di salwa morago:
Fa go kgonega, tetla ya mokwadi e tshwanetse go kopiwa gore tiro ya gagwe e rebolwe gape.
Fa mo athikeleng, pampiring kgotsa mo puong, mongwe a bua ka tiro ya o mongwe, go tlhokega gore dintlha ka botlalo tsa mareo a tshupo di tlamelwe mo foromong ya leina la mokwadi mmogo le dintlha ka botlalo tsa phasalatso ya gagwe, e leng, leina la buka kgotsa makasine, mophasalatsi, letlha la phasalatso, jalo le jalo.
Fa go diriswa fela karolwana e nnye ya tiro, bua dipolelo di le mmalwa kgotsa temana, mme fa e le gore go na le kamogelo e e dirilweng, ga go tlhokege tetla.
Fa go rebolwa gape “karolo e e kgethegileng”, jaaka temana, go tshwanetse ga bonwa tetla. .
Ka kakaretso go amogelesegile gore tiro e e diriswang mo ditheong tsa dithuto , dipatlisiso kgotsa mabaka a poraefete e ka rebolwa gape.
Legoro lengwe le le nang le mathata ke la mmino.
Tota fa o tshwanelwa ke go kopolola theipi kgotsa CD gore o e rekise, se se ka tlisa kgatako ya ditshiamelo. Fa Dee-Jay kwa moletlong a tshameka diCD a seo ke kgatako ta ditshiamelo?
Jaaka kaedi ya kakaretso, kgatako ya ditshiamelo e ka diragala fa matheriale wa tetlokhophi o diresetswa go iponela dipoelo kgatlhanong le tiresetso poraefete.
Kgatako ya tetlokhophi ga e diragale fa o kopolola puo ya bosetšhaba kgotsa thuto, e e diretsweng mabaka a tshedimosetso kgotsa kopolola dikgatiso tsa puso go dirisetswa setšhaba.
Botshelo jwa tetlokhophi bo bo kana kang?
Botshelo jwa tetlokhophi bo ikaegile ka mofuta wa tiro e e sireleditsweng:
Tetlokhophi ya dikwalwa e nna teng nako ya dingwaga di le 50, morago ga gore mokwadi a tlhokafale.
Tetlokhophi ya mananeo a khomphutha e ka nna teng sebaka sa dingwaga di le 50 morago ga gore dikhophi di phasalatswe.
Go direkoto tsa mmino, tetlokhophi e ka nna teng sebaka sa dingwaga di le 50 go tloga ka letsatsi leo tiro e neng e gasiwa ka lona.
Go difilimi, dingwaga di le 50 go tloga ka nako eo dineng di dirwa ka yona/di bontshiwa ka yona.