Tse ke dikhamphani tse di kwadisitsweng go tlamelana ka ditirelo mme ga di ikaelele go dira dipoelo kgotsa go atlholwa ka dipoelo tse ba di dirang. “Mekgatlho e e seng ya Dipoelo e”, ka gale e tshegediwa ka matlole a meneelo le meneelo ya dinageng tsa kwa ntle . Ka karetso di neela ditirelo go “baagi ba ba farologaneng” jaaka dikema tsa phepo ya bana, mekgatlho e e tlhokomelang dikhutsana tsa AIDS, mekgatlho ya sedumedi le ditšharithi, jalo le jalo.
Dikhamphani tse di kwadisitswe go ya ka
Molao wa Dikhamphani tsa Karolo 21 mme ka gale di itsege jaaka “Dikhamphani tsa Karolo 21”. Khamphani ya Karolo 21 e tshwanetse go nna le bonnye ditokololo di le 7 le bonnye bakaedi ba le 2.
Ka ntlha ya matswakabele a go rulaganya Memorantamo le Atikele ya khamphani, ditirelo tsa motlhankedi wa molao di tshwanetse go diresetswa go rulagnya ditokomane.
Ela tlhoko: Khamphani e e seng ya Dipoelo e bidiwa “Mokgatlho o o tsenyeleditswe ka fa tlase ga Karolo 21”
Ditokomane tsa go kwadisa “Khamphani tse e seng tsa Dipoelo” (Khamphani ya Karolo 21 di ntse jaana:
| Ditokomane |
Maikaelelo |
Ditefelo |
| CM5 |
Kopo ya go beeletsa leina |
R50-00 |
| CM22(ka sebedi) |
Kitsiso ya maemo a kwadiso le aterese ya poso |
Ga e yo |
| CM29 |
Tetla ya kwadiso ya bakaedi, baruni le batlhankedi. |
Ga e yo |
| CM31 |
Tetlelelo ya go dira jaaka moruni |
Ga e yo |
| Maatla a mmueledi |
Tetlelelo ya go saena boemong jwa ditololo/bakaedi |
Ga e yo |
| CM51 |
Tetla ya go saena mo boemong jwa ditokololo/bakaedi |
R15-00 |
Ditokomane tse di latelang di tla dira Memorantamo le Diatikele tsa Kamano:
| Mofuta wa Khamphani |
Ditokomane |
Maikaelelo |
Ditefelo |
| Khamphani e e lekanyeditsweng ke netefaletso, kgotsa mokgatlho o o tsenyeleditsweng ke Karolo 21 |
Tafola ya go itseela Khamphani ya CM3, CM4, CM4B, CM44, CM44B, CM44C |
Sethifikeithi sa tsenyeletso le memorantamo ya kamano go ya ka molao wa dikhamphani.
|
R350 |
