“Khamphani ya kwa ntle” ke khamphani e e kwadisitsweng kwa nageng e nngwe eo e ratang to tlhola khamphani mo Aforika Borwa.
| Sekao: |
AERO BENIN ke khamphani e e kwadiditsweng kwa Jeremane. Kgwebokgolo ya yona ke tsamaiso ya dithoto mo moweng kgotsa lewatleng mmogo le dipalangwa tsa batho. E tlhomile khamphani ya kwa ntle mo Aforika Borwa e e bidiwang AERO BENIN SA |
Motlhankedi wa semolao wa Aforika Borwa o tshwanetse go dirisiwa go kwadisa khamphani ya kwa ntle ya go nna jalo.
Go tlaleletsa ditokomane tse di farologaneng tse di tshwanetseng go tladiwa le go romelwa go Morejisitara wa dikhamphani, Memorantamo le Diatikele tsa Kamano, tseo di dirilweng buka di tshwanetse go neelwa. Tsebe nngwe le nngwe e tshwanetse go netefatswa ke Notary Public mo nageng ya motheo. Fa ditokomane tse di sa kwalwa ka Sekgowa, go tshwanetse ga neelwa sete e e fetoletsweng – mme phetolelo e e tshwanetse go netefadiwa ke sethifikeithi sa diphetolelo.
Ditokomane tsa ikwadisetso ya khamphani ya kwa ntle di ntse jaana:
| Ditokomane |
Maikaelelo |
Ditefelo |
| CM22 (go goroswa ka sebedi) |
Aterese e e kwadisitsweng mo Aforika Borwa |
Ga e yo |
| CM29 |
Dintlha tsa bakaedi, ba Aforika Borwa kgotsa ba kwa ntle |
Ga e yo |
| CM31 |
Tetla ya go dira jaaka moruni |
Ga e yo |
| CM37 |
Kitsiso ya batho ba ba nang le tetla ya go amogela ditirelo mo boemong jwa khamphani ya kwa ntle |
Ga e yo |
| CM49 (go goroswa ka sebedi) |
Sethifikeithi sa kwadiso |
R350-00 |
| CM51 |
Tetlelelo ya go saena mo boemong
ditokololo/bakaedi
|
R15-00 |
Fa khamphani ya kwa ntle e sena go kwadisiswa, Morejisitara wa Khamphani o rebola nomoro ya kwadiso mme sethefikeithi sa Tsenyeletso le sona se a rebolwa.
