|
Ditlhokego tsa go laola CC di bonolo go feta go laola khamphani. Ditlhokego tsa bolaodi le tsamaiso di bonolonyana mme ga se tsa semmuso go le kalo.
Ka ntlha ya se, batlhankedibagolwane ba khamphani ba ka swetsa go fetola khamphani ya bona e e kwadisitsweng go nna CC. Ditokomane le dikgato tsa kwadiso di ntse jaana:
-
Fa ba batla go beeletsa leina le lentšha, foromo ya
CK7 e tla nna botlhokwa, (fa leina le tswelela go nna lona, ga go peeletso e e tlhokegang).
-
Gorosa foromo ya CK 7
-
CK 4 le CK 1 di tshwanetse go goroswa
-
Neelana ka lekwalo go tswa go motlhankedi wa matlole le le mo letlang go dira jalo
-
Furnish a letter from the company auditor in terms of Section 27 (2) (B) of the
Close Corporation Act
-
Tefelo ya R100-00
Koporasi e e tswetsweng e ka bo e godile thata mme gore e kgone go gola go feta, go ka tsenngwa letlole le lengwe ke batsholadišere.
Kgotsa, CC e ka iphitlhela e gaisana le Dikhamphani tse ditona (diPTY) mme di dumela gore le tsona di tshwanetse go nna di(Pty) go ‘lekalekanya mapatlelo” ma matlhong a mebaraka / bareki. Fa go ntse jalo ba swetsa go fetolela CC ya bona go nna khamphani e e kwadisitsweng.
Ditokomane le dikgato di ntse jaana:
-
Fa go solofetswe go fetola leina
CM5
e tshwanetse go tladiwa, go beeletsa leina.
-
Ditatamente go ya ka Karolo 29C (4) (a) (i) le (ii) ya Molao wa Dikhamphani :
-
ditokomane tsotlhe go ya ka ikwadiso ya khamphani.
-
ditirelo tsa mmueledi di a tlhokagala.
-
CM1 (sethifikeithi sa nyeletso) se tshwanetse go kannwa. Foromo ya Cm1 e tshwanetse go nna le nomoro ya ikwadiso mmogo le leina la CC e e fetotsweng.

|