CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
Zulu Version | English Version | Afrikaans Version
KANTORO YA MOKWADISI WA DIKOPORASI

Maikaelelomagolo a lefapha le ke go tlamelana ka tshedimosetso, kwadiso le ponelopele-kgolo ya dikoporasi mme e romilwe go tsweletsa Molao wa Dikoporasi, 2005 (Molao wa Bo 14 wa 2005). E etleetsa gape le bong bo bo oketsegileng ba dikgwebo ke bao ba baneng ba kgaphetswe kwa thoko mo malobeng mme e rotloetsa tlhomo ya dikoporasi mo ditikologong tsa baagi ba kwa metsemagaeng.

Mafelo a boikarabelo

Lefapha le rwala maikarabelo a kwadiso, tshololo le kwadisololo ya dikoporasi mmogo le itshwaraganyo le diphetolo. E arabela matshwenyego a setšhaba mme e neelana ka tshedimosetso e e amanang le dikoporasi. E rwala gape le maikarabelo a go sekaseka ditshupamatlole tsa dikoporasi.

1. Koporasi ke eng?

Koporasi ke mokgatlho o o ikemetseng wa batho ba ba kopaneng ka boithaopo go sekegela dikgatlhegelo tsa bona tsa ikonomi, loago le setso mmogo le diphisegelo ka kgwebo e e kopanetsweng le e e laolwang ka mokgwa wa se demokeratiki. Kgwebo e, ke e e rulagantsweng le e e laolwang go ya melawana ya dikgwebisano.

2. Diponagalo tsa koporasi ke dife?

  • Kamano ya batho
  • Ka boithaopo
  • Ditlhokego tse di tshwanang tsa ikonomi, loago le setso
  • Kgwebo ya thuo e e kopanetsweng le e e laolwang ka mokgwa wa demokeratiki
  • Melawana ya dikgwebisano

3. Melawana ya dikoporasi ke efe?

  • Taolo ya maloko ka mokgwa wa demokeratiki
  • Botokololo ka boithaopo jo bo buletsweng mongwe le mongwe
  • Kemonosi le boipuso
  • Katiso ya thuto le tshedimosetso
  • Tirisanommogo ya dikoporasi
  • Botsayakarolo mo go tsa ikonomi ya ditokololo

4. Koporasi e tlhamiwa jang?

Koporasi ke kgwebo e e farologaneng e e neelanang ka ditirelo le dikumo go ditokololo tsa yona. Merokotso e arololelwa ditokololo go ya ka kgwebo e tokololo nngwe le nngwe e e dirileng le kgwebisano.

5. Dipoelo ke eng?

  • Go fitlhelela se mongwe a ka se se fitlheleleng ka nosi
  • Go neelana ka phitlhelelo e e bonolo go ditirelo tse di tlhokegang
  • Go dira dituelo tse di potlana tsa dipapatso, diphatlhalatso le go rekisa dikuno
  • Go nolofatsa dikuno fa go tlhokega

6. Kgwebisano e ka simololwa jang?

TSHIMOLOLO: TSHWARANG KOPANO GO TLHOTLHOMISA GORE GO NA LE KGATLHEGO E E LEKANENG GO POROJEKE E E TSITSINTSWENG

  • Monnasetulo o buisa karolo ya leano la kgwebo le le tlhalosang maitlhomo le maikaelelo, mmogo le diphisegelo tsa kgwebo tsa botlhe ba ba leng teng mo kopanong ya tshimololo
  • Arabang dipotso tsotlhe tse di bodiwang
  • Laletsang mongwe le mongwe go ikwadisa
  • Bao ba nang le kgatlhego ba tshwanetse go tlatsa Diforomo tsa Kopo ya go nna Ditokololo
  • Bao ba tladitseng Diforomo tsa go nna Ditokololo ba tla tlhopha Boto ya Bakaedi
  • Koporasi jaanong e tlhamilwe kgotsa e simolotswe semolao

TSHIMOLOLO: TSHWARANG KOPANO YA TSHIMOLOLO

  • Tlhaolang maikaeleo (Seo tota kgwebisano e batlang go se dira)
  • Didiriswa, dikago, mmogo le matheriale mongwe yo o tlhokegang mo kgwebong
  • Ditlhokego tsa matlole (Le tlile go bona tse jang?)
  • Bonno (Kgwebisano e tla direla kwa kae?)
  • Tlhophang komitiketleetso ka maikaelelo a go tsweletsa tiragalo ya tshimologo
  • Thalang leano la tshimololo la tirgatso
  • Iponeleng molaotheo o o tla tlhalosang ditiragalo tse di tshwanetseng go diragadiwa ke dikoporasi mo go tsweletseng maikaelelo a yona.(bona tsebe e kwa tlase)

TSHIMOLOLO: Tiragalo go ya Pele

  • Kopano ya ntlha ya boto
  • Ikwadiso
  • Go tlatsa diforomo tsa ikwadiso le molaotheo
  • Go tlatsa ditokomane le Morejisitara wa Dikoporasi go sekegelwa
  • Sethifikheiti sa Ikwadiso
  • Molaotheo o o kwadisitsweng
  • Simololang go dira!

7. Ke mang yo e ka nnang leloko?


Terms and Conditions
and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011