Pele CC e ka kwadisiwa, go botlhokwa go dira kopo go netefatsa gore leina la yona le le tsintsintsweng le a letlelelwa e bile le a beeletswa. Tiragalo e e akaretsa:
Ditekolo tse di dirwang go netefatsa gore leina le le tsintsintsweng ga le ise le tlhagelele mo rejisitareng ya maina.
Tlhokego e e dirwang go lekola maina a a tsitsintsweng e akaretsa:
Maina a a tshwanang le ona
Maina a a ka bapisiwang
Maina a a ka utlwisang maikutlo botlhoko
Foromo e e tlhokagalang go beeletsa leina ke
foromo ya CK7, "Kopo ya go Beeletsa Leina, kgotsa Foromo e e Fetoletsweng, kgotsa Foromo e e Khutshwafaditsweng". Tobetsa fa
go bona thuso ya go tlatsa foromo e.
Foromo ya(CK7) e ka rekwa go tswa go barekisi ba diforomo tsa semmuso jaaka Waltons kgotsa Hortos, kgotsa makala mangwe a CNA.
Fa o sa gorosa ka inthanete, foromo ya CK7 e tshwanetse go goroswa ka enke e ntsho. Mokwalo o tshwanetse go bonala mme o nne ka ditlhaka tse dikgolo.
Bokana ka R50.00
bo tla gogwa mo akhaontong ya gago e o e bulang fa o ikwadisa jaaka moreki.
Foromo ya CK7 e tshwanetse go letlelelwa pele go tsenngwa Foromo CK 1 ya ikwadiso
Kopo ya go beeletsa leina, la khamphani kgotsa la koporasi e e tswetsweng, e ka dirwa ka mokgwa wa eleketeroniki go Moreki yo o kwadisitsweng. Go kwadisa, e ya go Kwadisa jaaka Moreki.
Morago ga gore leina le le tsitsintsweng le lekolwe le go letlelewa, Kantoro ya Kwadiso ya diCC e tla netefatsa tetlelelo ka lekwalo le le netefatsang, leo le netefatsang fa leina le beetswe kwa thoko.
Lekwalo le le tla posediwa mokopi kgotsa le ka tsewa go tswa kwa khaontareng kwa
Tshwane.
Letla malatsi a le supa (7) a go dira go leba kopo ya gago.
Leina le le letleletsweng le a beeletswa nako ya dikgwedi di le 2 fa letlha la bofelo le wela mo bokhutlhong jwa beke, leina le tla fela ka letsatsi la bofelo la go dira, e leng Labotlhano).
Fa go na le ngongorego mabapi le maina a a tsitsintsweng ke mokopi, foromo ya CK7 e busediwa go mokopi go fetolwa le go goroswa gape.
Fa kopo ya go beeletsa leina e sa atlege, mokopatiro o busediwa madi a gagwe mmogo le ditshenyegelo tsa go dira kopo.
2. Polelo ya Motheo wa Koporasi e e Tswetsweng
Ke fela fa leina le le tsitsintsweng la CC le letleletswe, mme le beeleditswe, moo go ka kwadiswang CC.
Tirgalo ya go kwadiswa e simolola ka go tlatsa le go gorosa Polelo ya Motheo ya Koporosasi e e TsweTsweng (CK1), eo tlhwatlhwa ya yona e leng R100.
Tobetsa fa go bona thuso ya go tlatsa foromo e. O ka nna wa gorosa CK1 ka mokgwa wa elekeroniki
fa.
Foromo e, e batla tshedimosetso e e botlhokwa ka ga CC e e sitsintsweng jaaka dintlha ka botlalo tsa ditokololo, mofuta wa kgwebo, aterese, jalo le jalo.
Diforomo tsa CK1 di ka kwalololwa le go gatiswa ka go
tobetsa fa.
Diforomo tsa (CK1) di ka rekwa go tswa go barekisi ba diforomo tsa semmuso jaaka Waltons kgotsa Hortos, kgotsa makala mangwe a CNA.
Foromo ya CK1 e na le ditsebe di le tharo:
Ditsebe 1 le 2 di tshwanetse go tlatswa ke dikopo tsotlhe tsa ikwadiso
Tsebe 3 e maleba fela fa go na le ditokololo tse di fetang 4
Foromo e tshwanetse go tlatswa ka enke/pene ntsho ka ditlhaka tse dikgolo.
Ga go diphetolo tse di letlelelwang.
Foromo ya Motheo ya CK1 e tshwanetse go tlatswa le go goroswa go Kantoro ya Ikwadiso ya Dikoporasi tse di Tswetsweng kwa
Tshwane. Dikhophi tse di fotosetetilweng ga di amogelesege.
Mo tsebeng ya 1 ya foromo ya CK1 leina le nomoro ya tiro ya Motlhankedi wa Matlole le tshwanetse go neelwa
Lekwalo la motheo leo le saennweng ke Motlhankedi wa Matlole, leo le netefatsang go dumela ga agwe go direla CC le tshwanetse go goroswa le diforomo tsa CK1.
Motlhankedi wa Matlole o tshwanetse go kwadisiwa le ditheo tse di latelang:
The South African Institute of Chartered Accountants (SAICA)
Baruni ba ba kwadisitsweng go ya ka ditlamelo tsa Molao wa Tiro ya Boruni, wa 2005 (CA)
The South African Institute of Chartered Secretaries and Administrators (ICSA)
The Chartered Institute of Management Accountants (CIMA)
The South African Institute of Professional Accountants (SAIPA)
The Institute of Administration and Commerce in Southern Africa bao ba iponetseng Dipoloma mo dithutong tsa Accountancy (IAC)
The Institute of Administration and Commerce in Southern Africa bao ba iponetseng Dipoloma mo dithutong tsa Cost and Management Accountancy (IAC)
The Institute of Administration and Commerce in Southern Africa bao ba iponetseng Dipoloma mo dithutong tsa Company Secretary (IAC)
The Association of Chartered Certified Accountants (ACCA)
The Chartered Institute of Business Management (MCIBM)
The South African Institute of Business Accountants (SAIBA)
Lekwalo le le netefatsang go beeletswa ga leina le tshwanetse go tsamaya mmogo le foromo e e tladitsweng ya CK1.
Letla malatsi a tiro a le matlhano (5) go leba kopo ya gago mme morago ga seo, sethifikeiti se se netefatsang fa CK1 e letleletswe seo se akaretsang le nomoro ya ikwadiso mmogo le letlha la ikwadiso se tla romelwa go CC.
Baagi bao e seng ba Aforika Borwa ba ba batlang go ikwadisa jaaka ditokololo tsa CC mo teng ga Aforika Borwa ba tshwanetse go gorosa lekwalo le le tlhalosang ka naga e ba belegetsweng kwa go yona, nomoro ya phaseporoto mmogo le letlha la tsalo ba tshwanela ke go itsise Lefapha la Merero ya Selegae mabapi le makawalotetla a tiro kgotsa a baagi ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle.
Kitsiso ka Diphetolo go Polelo ya Motheo
Fa go nna le diphetogo tse di dirwang mabapi le koporasi e e tswetsweng e e kwadisitsweng, go botlhokwa go itsise Kantoro ya Ikwadiso ya Dikoporasi Tse di Tswetsweng.
Diphetogo di amana le botokololo, (ditokololo tse dintšha di tsenngwa, ditkololo tse di lebogileng tiro, jalo le jalo) kgotsa diphetogo mabapi le Motlhankedi wa Matlole, kgotsa aterese ya poso ya CC.
Diphetogo di ka rekotiwa mo foromong ya "APolelo ya Motheo e e Fetotsweng" (CK
2) Kgoroso ya foromo e, ga e duelelwe mme e ka dirwa ka mokgwa wa eleketeroniki mo webosaeteng ya CIPRO.
Foromo ya CK 2 e dirwa ke Karolo A le Karolo B
Karolo A e mabapi le diphetogo tsa leina la CC kgotsa mofuta wa kgwebo
Karolo B e mabapi le diphetogo tsa dintlha tsa ditokololo.
Karolo C e amana le fa motho a emisa go nna tokololo. Mo mabakeng a leso, tsweetswee tsenya lekwalo la moababoswa (executor) mme E SENG sethifikeithi sa leso.
Fa go na le diphetogo mabapi le Motlhankedi wa Matlole kgotsa aterese e e kwadisistsweng CK2A
e tshwanetse go goroswa.
Go duelwa R30-00
fa go dirwa diphetogo mo Karolong A, fela ga go duelwe sepe fa go na le diphetogo mo Karolong B.
Foromo ya CK2
e tshwanetse go tlatswa ka pene e ntsho ka ditlhaka tse kgolo.
Foromo e e saennweng ya CK2 e tshwanetse go goroswa go Kantoro ya Ikwadiso ya Dikoporasi Tse di Tswetsweng wa Tshwane.
Letla malatsi a le 15 a tiro go leba kopo ya gago.
Morago ga gore diphetogo di lebilwe, sethifikeithi sa motheo sa CK2, seo se netefatsang kwadiso ya diphetogo se tla romelwa go CC.