CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
English Version | Zulu Version | Afrikaans Version
Kwadisololo le Tshololo

Mo saekeleng ya botshelo jwa CC, e ka nna ya rata go emisa go dira kgotsa e ka “phatlhalatswa”ka ntlha ya go tshololwa. Maemo a ka gale a matswakabele e bile ke a setegeniki mme go tshwanetse ga bonwa tshedimosetso e e kgethegileng.
  • Tshololo le kwadisololo ga se selo se le sengwe:
    • Tshololo e kaya gore kgwebo e retelelwa ke go duela disuga le dikoloto tsa yona.

  • Tshololo e kaya gape gore kgwebo e tla emisa go dira (ka ntlha ya mathata a matlole)..
    • Tshololo e ka diragala ka ntlha ya ditaragalo tsa kgotlatshekelo, kgotsa bakolotiwa kgotsa e ka nna tshololo ka boithaopo i.e. e kopilwe ke ditokololo tsa CC.
    • Mo mabakeng a tshololo ka boithaopo, foromo ya CK6 e tshwanetse go goroswa ka sebedi mmogo le R40-00.

  • Ikwadisololoe kaya gore kgwebo e ka tlhopha go ikwalolola ( sekao ke gore ya emisa go nna CC) mme e kgona go duela dikoloto tsa yona. Kgwebo e ka tswelela ka mokgwa o sele sekao; jaaka kgwebo ya motho a le nosi (sole proprietor) morago ga go ikwalolola.

  • Morago fela morago ga gore CC e kwalololwe, go ka dirwa kopo ya gore e busediwe tirong fa fela go ka latelwa dikgato tse di latelang:
    • Mo lantlheng netefatsa boemo ba CC le kantoro ka gonne go a kgonagala gore kopo e bo e dirilwe ke SARS go kwalolola CC. Fa go netefadiwa gore CC e kwalolotswe, dikgato tse di latelang tsa go busetsa tirong di tshwanetse go latelwa:
      • Gorosa foromo ya CK3 ka sebedi mmogo le R150-00. Bona sfidafiti eo mo go yona ba tlhalosang mabaka a bona a go dira kopo ya pusetsotirong.
      • Fa go ne go na le kago nngwe e e sa suteng eo e neng e le ya CC, Lefapha la Merero ya Setšhaba le tshwanetse ga bona netefaletso e e kwadilweng mmogo le Lefapha la Ditshenyegelo tsa Setšhaba go tlhomamisa gore ga ba na mathata mabapi le pusetsotirong ya CC. Fa go na le dikganelo tseo di leng teng, Morejisitara o tla tshwanelwa ke go itsisiwe ka ga dikganelo tseo mo teng ga malatsi a le 30 morago ga letlha la phatlhalatso.


Terms and Conditions
and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011