CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
English Version | Zulu Version | Afrikaans Version
Go tlatsa CK7 le CK1

Mokgwa wa go tlatsa CK7

Karolo A
Supa ka go dira letshwao fa se e le leina le le tsitsintsweng, le le khutshwafaditsweng kgotsa le le fetoletsweng.

Tlamelo e e dirwa ka go neela mina a a tsitsintsweng a le 6 ka tatelano ya gore go ratwa lefe go gaisa.

  • Bakopi ba eletswa go neela maina a feta bongwe a a tsitsintsweng
  • Leina le le sa tlhaloseng mofuta wa kgwebo le ka se amogelwa, sekao “Doras”, botoka e nne “Doras Fashions”.

Karolo B
Tlogela karolo e e sa tladiwa. E beetswe go Diriswa ke Kantoro.

Karolo C

  • E maleba fa go diriswa leina kgotsa leina le sefane
  • Fa go diriswa lefoko la puo e e seng ya Aforika Borwa (foreign) jaaka karolo ya leina la khamphani
  • Fa leina le le tsitsintsweng le tshwana le leina leo le setseng le le teng.
    ** Go ya ka Practice Note 5 ya 2009 – ga leini le le beletswana le amana le di kooperasi tse di setseng di le teng kgotsa di registerilwe mo CIPRO, makwalo a a latelang e tlhokagala:
    1. Lekwalo le le kwadilweng ke yo Mogolo golo mo khamphani ka lekwalo le le nang le (letterhead) setlhogo sa khamphani.
    2. Lekwalo boitshupo la ditololo kgotsa directara le le sethifailweng.

Karolo D

  • E a tlhaloganyega

Mokgwa wa go Tlatsa CK1

  1. Foromo ya CK1 e ka tladiwa ka ditlhaka tse dikgolo, tse di tlantsweng, di kwadilwe ka mokgwa wa letokgabo (lithograph) kgotsa e tlantswe ka ditllhaka tse di bonalang ka enke e ntsho.

  2. Fa mongwe a saena boemong jwa tokololo, go mametletswe maatla a mmueledi (power of attorney).

  3. Batlhokomelwa (batho ba dingwaga tse di ka fa tlase ga 18), bana le batho bangwe ba ba nang le bogole ba tshwanetswe go thuswa ke batsadi ba bona, batlhokomedi kgotsa baemedi jaaka go tshwanela mme maemo a bona a tshwanetse go tlhaloswa.

  4. Fa go ise go rebolwe bukana ya boitshupo, go tshwanetse ga mametletswa ditokomane tse di buang ka seo. Mo mabakeng a baagi ba dinaga tsa kwa ntle, phaseporoto kgotsa khophi ya yona, le lekwalo le le tlhalosang gore ga se moagi wa Aforika Borwa le tla tlhokagala.

  5. Tse di latelang di tshwanetse go goroswa ka fa tlase ga setlhogo “DITOKOLOLO”:
    • Sefane. (Fa o le mothosemolao, neela leina le maemo. Fa o le motsholatherasete, neela leina la therasete. Fa o dira jaaka motlhankedi yo o tlhophilweng, motsamaisi, moababoswa, tlhalosa maemo.)
    • Maina ka botlalo.
    • Nomoroitshupo.
      • Fa go sena ditokomane tse di rebotsweng, neela letlha la tsalo, mme o lebe ntlha ya bo 5 fa godimo.
      • Fa o le motho semolao, neela nomoro ya ikwadiso.
    • Bogolo ba kgatlhego ya tokololo ka nosi e e tlhagiswang ka diperesente. Go dira karolo ya 100%.
    • Dintlha tsa karolotuelo le boleng jwa madi jo be lolameng ba yona ( fa go le maleba).
    • Aterese ya Bonno.
    • Aterese ya Poso.
    • Tshaeno ya tokololo kgotsa kemedi (fa go le maleba).
    • Letlha la tshaeno.
    • Fa go na le maloko a le 4 kgotsa kwa tlase, ke tsebe 1 le 2 fela tse di tshwanetseng go tlatswa. Tsebe 3 e tshwanetse go tladiwa fela fo na le ditokololo tse di fetang 4.


Terms and Conditions
and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011