CIPC Home Page
 Start Here...
 Customer Log In
UserName: Password:
Enter code as shown above:

Bank Customer
 Enterprise Enquiry
Enterprise Name:

Enterprise number:
//
 Name Search
Enter the enterprise name you wish to search for...
Search Operators

      Logged in as:
 
  
 
 
 
 
Ikwadiso ya Moreki

Zulu Version | English Version | Afrikaans Version

Ke mang yo otshwanetseng go ikwadisa?

Motho mongwe le mongwe wa tlhago kgotsa wa semolao yo o dirisanang le CIPRO jaaka babueledi, difeme tsa semolao, dibanka, baruni, dikgwebo tse dingwe le batho ka nosi ba tshwanetse go ikwadisa jaaka bareki le CIPRO.

Goreng o tshwanetse go ikwadisa jaaka moreki?

  • O tlhoka go ikwadisa gore o kgone go dira dikgwebotiragalo mo webosaeteng ya CIPRO le go kgona go lekola dikopo tseo di gorositsweng mo tlase ka khoutu ya moreki.

Go tlhokega bokae?

Ikwadiso ya moreki ga e duelelwe.

Ke duelela ditirelo jang?

Fa o ikwadisa jaaka moreki o nna le akhaonto e e mo leineng la gago le CIPRO, Pela o ka dirisa ditirelo tse di duelelwang, moreki o tshwanetse go tsenya madi mo akhaontong ya gagwe go diragatsa ditirelo tsa go nna jalo.Ditefelo tsotlhe tse di beilweng tsa kgoroso le tlhagiso di tla gogwa mo akhaontong ya gago.


Ditlhopho tsa dituelo

Tsweetswee netefatsa gore nomoro ya gago ya reference e tlhagelela sentle.

  • Kantoro ya CIPRO
  • Ditirelo tsa Aforika Borwa tsa Poso (SAPO).(Dituelo tsa dicc kgotsa dikgwebisano )O ka kgona go duelela ditirelo dingwe le dingwe tsa CIPRO tseo di neelwang ke balekane ba rona ba ba Phatlhaladitsweng Decentralisation partners kwa Katorong ya Poso e e gaufi nao. click here.
  • Dipositi ya eleketeronoki ka go dirisa karata ya debiti kgotsa ya sekoloto (o tlhoka fela go tsenya khoutu ya gago ya moreki mo legorong la reference. Letlha le nomoro ya tatelano ga di botlhokwa.)
  • Banka nngwe le nngwe ya ABSA
  • Banka nngwe le nngwe gape( letla malatsi ale 3-4 gore matlole a phatlala)

Dintlha tsa Akhaonto ya CIPRO ke tse di a latela:

Banka :ABSA
Mofuta wa Akhaonto :Akhaonto ya Dipositi
Leina la Akhaonto :CIPRO
Nomoro ya Akhaonto :4055 68 1017
Leina la Lekala :Van der Walt Street
Referense ya Tuelo :XXXXXXDDMMCCYY01 (Fa Nomoro ya Referense e na le ditlhaka le dipalo tse di sa feteng thataro dirisa mafela pele ga ditlhaka le dipalo tseo. (XXXX00DDMMCCYY01)

Sekao sa Nomoro ya Referense ya dipositi ya banka 04MALA2603200901 (Khoutu ya moreki + DDMMYYYY + transaction number)
Fa o dira dipositi ka mokgwa wa eleketeroniki o tlhoka fela go bontsha khoutu ya moreki mo legorong la reference. Letlha le nomoro ya tatelano ga di tlhokege.

Nomoro ya Referense e tla re thusa go tsenya dipositi ka nepo mo teng ga akhaonto ya gago.
Tsweetswee letla malatsi a go dira a le 2 go ya go a le 4 (go ikaegilwe ka mofuta wa dipositi) gore madi a kgone go diriswa mo teng ga akhaonto ya gago ya CIPRO.
 
Fa madi a sa tsenngwa, romela bopaki ba tuelo ka fekese go +27 12 394 6361 kgotsa +27 12 394 6358. Tshwaya gore ka tlhokomelo ya - Revenue Department mme gakologelwa go tsenya khoutu ya gago ya moreki jaaka referense. Go dira dipatlisiso mabapi le tsa matlole, romela imeile go dmfete@cipro.gov.za kgotsa athinyane@cipro.gov.za.

Dipoelo:

 

Ditefelo tse di Dielwang

Ga go Ditefelo tse di Duelwang

Ditlhagiso

Diforomo tsotlhe tsa Ikwadiso di fitlhelega mo webosaeteng ya CIPRO ka mokgwa wa pdf.

 

X

 

Mafapha a Mmuso wa Bosetšhaba kgotsa wa Porofense ba ka nna le phitlhelelo e e tletseng go ditiro tsa ditlhagiso mo inthaneteng.

 

 

X

Dibanka di ka nna le phitlhelelo e e tletseng go ditiro tsa ditlhagiso mo inthaneteng.

X

 

 

Phitlheleo go tlhagiso ya tshedimosetso mabapi le maphata a khamphani le a cc mo inthanetseng ka madi a a kailweng.

X

 

 

O tla tshwanelwa gape ke go gorosa ditokomane tse di latelang (CK1, CK2 (karolo B ke mahala), CK2A (ga go na tuelo), CK7, CM5, CM6 CM8 le CM8A) ) ka mokgwa wa eleketeronoki kwa ntle ga Mafapha a Mmuso wa Bosetšhaba le wa Porofese mmogo le dibanka.  (Go tla goroswa kwa seatla CK7 & CM5 fa karolo C needs e tlhoka go tladiwa).

Tswetswee ele tlhoko gore ditokomane tsa CK1, CK2 le CK2A di santse di tshwanetse go goroswa ka seatla morago ga kgoroso ka khomphuthara.

X

 

 

Gorosa Dipoelo tsa Ngwaga le Ngwaga kwa ntle ga Mafapha a Mmuso wa Bosetšhaba le wa Porofense mmogo le dibanka.

X

 

 

Tekolo ya ka gale ya boemo mabapi le kgatelopele morago ga kgoroso ya ditokomane.

 

X

 

Dikhamphani tsotlhe le diCC tsotlhe di ka romelelwa go wena ka mokgwa wa imeile fa mokgwa wa tlhaeletsano e le imeile.

 

X

 

Go ithusa mabapi le go lekola dikopo tse di gorositsweng ka setlamo go ka dirwa mo khomphuthareng mme go tla nna le tuelo ya seo fa di golaganngwa le kopo e e rileng.

X

 

 

Netefatso ya Moreki.  Moreki mongwe le mongwe yo o ratang go dirisa tirelo ya kgoroso ya dikhamphani ka mokgwa wa eleketeroniki (CM29, CM31, CM27A le CM22) di tshwanetse go feta kwa netefatsong ya moreki. (Gakologelwa gore go na le tefelo e e duelwang Mokomišenare wa Maikano ke moreki mongwe le mongwe ka karata ka ngwaga wa netefaletso.)

 

X

(Tefelo go CIPRO – Ga go na)

 

O ikwadisa jang?

Ikwadiso ka khomphuthara.

Morago ga go gorosa kopo e ( ka go latela ditaelo tse dif a tlase le go amogela mareo le mabakakemo), akhaonto ya gago e tla senngwa tirisong ka potlako.

Balekane ba ba Phatlhaladitsweng ba CIPRO (CIPRO Decentralisation Partners)

Bareki ba ka ya gape go Balekane ba Cipro ba ba Phatlhaladitsweng Decentralisation partners kwa diporofenseng go ikwadisa ka dikhophuthara(go sa akarediwe SAPO).

Bareki ba Dibanka

Diakhaonto tsa Bareki ba Dibanka di tla tsenngwa tirisong ke CIPRO fela morago ga go amogela fekese kgotsa imeile e e mo ditlhakakgolong tsa semmuso, e netefatsa kopo le khoutu ta moreki. Tsweetswee romela fekese e go revenue unit at +27 12 394 6361.

Bareki ba Mmuso

Diakhaonto tsa Bareki ba Dibanka di tla tsenngwa tirisong ke CIPRO fela morago ga go amogela fekese kgotsa imeile e e mo ditlhakakgolong tsa semmuso, e netefatsa kopo le khoutu ta moreki. Tsweetswee romela fekese e go mswart@cipro.gov.za kgotsa datasales@cipro.gov.za, kgotsa e fekesetse go +27 12 394 6221.

Re thuse go go thusa

Bareki ba tshwanetse go netefatsa ka gale gore mokgwa o ba o ratang wa kgoroso ya makwalo o tsenngwa ka nepo.

  • Mokgwa wa tlhaeletsano: imeile, poso, docex kgotsa go tsaya kwa dikantorong tsa CIPRO
  • Mokgwa wa kgoroso ya makwalo: poso, docex kgotsa go tsaya kwa dikantorong tsa CIPRO
  • Bareki ba ba dirang dikgwebotiragalo tse dintsi ba eletswa go reka setempe sa rabara se se nang le khoutu ya moreki mme ba tempe ditokmane tsotlhe kwa godigo ga tsebe, le mo bogareng. Se se tla thusa go tlhaola ditokomane le go di latedisa. Tsweetswee ela tlhoko gore ditokomane tsotlhe di tla lebiswa go diaterese tse di kailweng ke wena mo foromong ya kopo ya ikwadiso ya moreki.

    Fa o na le dingongorego mabapi le tiragalo ya ikwadiso, tsweetswe ikgolaganye Setheo sa Megala (Call Centre) mo go 086 184 3384 kgotsa ka imeile mo go info@cipro.gov.za

    Khoutu ya moreki (Tlhopha khoutu ya gago. Khoutu ya moreki e o neelanang ka yona fa, e tla diriswa jaaka leinatiriso la gago fa o tsena mo karolong ya CUSTOMER ACCESS ya webosaete e. Khoutu ya moreki e tshwanetse go nna le boleele ba matshwao a le 6. TSWEETSWEE O SE KE WA E LEBALA.)  
    Lefoko la sephiri (Tlhopha khoutu ya gago. Lefoko la sephiri le o neelanang ka lona fa, le tla diriswa jaaka leinatiriso la gago fa o tsena mo karolong ya CUSTOMER ACCESS ya webosaete e. Lefoko la sephiril e tshwanetse go nna le boleele ba matshwao a le 6 go ya go a le 8. TSWEETSWEE O SE KE WA E LEBALA.)  
    Tsenya lefoko la sephiri gape  
    Leina la moreki  
    Khoutu ya Mogala  
    Nomoro ya mogala  
    Khoutu ya fekese  
    Nomoro ya Fekese  
    Aterese ya Bonno  
     
     
    Khoutu ya Bonno  
    Aterese ya Poso  
     
     
    Khoutu ya poso  
    Aterese ya Imeile/ Aterese ya Imeile ya Molekane  
    Aterese ya Docex  
    Mofuta wa moreki   MEFUTA YA MOREKI E E LENG TENG:
    1. Moreki o o tlwaelegileng
      1. Dilo tlhe tsa webo di a fitlhelega go akarediwa dipoelo tsa ngwaga fa moreki e le mokwaledi wa khamphani eo dipoelo tsa yona tsa ngwaga e gorositsweng.
      2. O tlhoka go fekesa bosupi ba dipositi go nomoro e e tlhagisitsweng kwa godimoga tsebe gore e tsenngwe tirisong.
    2. Moreki wa Banka
      1. O tshwanetse go ikwadisa jaaka moreji o o tlwaelegileng mme a fekesetse yuniti ya rona ya matlole tlhakakgolo ya semmuso mo go+27 12 394 6361 ka kopo ya go fetolelwa go nna moreki wa banka.
    3. Mokwaledi wa Khamphani
      1. Dilo tsotlhe tsa webo di a fitlhelega.
      2. Di tsenngwa tirisong morago ga go netefatsa CM27A.
    4. Tokololo ya Setšhaba
      1. Dilo tsotlhe tsa webo di a fitlhelega kwa ntle ga dipoelo tsa ngwaga.
      2. Di tsenngwa tirisong ka nepo.
      
    Mofuta wa enthiti

    Bogwebimmogo:
    Go ikaegilwe ka mofuta wa enthiti wa ba ba amegang (Tlhago kgotsa Semolao),e ka nna npmoro ya kwadiso ya kgwebo kgotsa nomoro ya ID ya nngwe ya ditokololo e tshwanetse go tlamelwa.

     

      Tsweetswee tlhopha gore a o rata go ikwadisa jaaka ka
      bowena (Motho wa Tlhago), kgotsa jaaka kgwebo
      (Mothosemolao).

      
    Mofuta wa Boitshupo  
    Mofuta wa Setheo  
    Nomorokwadiso ya Kgwebo(kwa ntle ga matshwao) kgotsa nomoro ya ID  
    Mokgwa wa kgoroso  
    Mokgwa wa Tlhaeletsano  
    Ke buisitse le go amogela mareo a tshupo a CIPRO.


    Terms and Conditions
    and Privacy Statement Copyright © CIPC 2011